Mo mosong wa Labobedi babereki ba RSM ba ne ba kopana go ipela le baithuti ba BICA ba ba dirileng sentle mo ditlhatlhobong tsa bone tsa Sedimonthole 2016. Baithuti ba ke Neo le Otjeutje ba ba dirang logato lwa Professional. Re le RSM Botswana re ne ra bona go tshwanetse gore re nne re dira bokopano jwa go nna jaana go rotloetsa baithuti ba rona gore ba kgothatsege go fetsa dithuto tsa BICA.

Fa a ntsha mafoko a thotloetso, Rre Guru Gurumoorthi o gape e leng moeteledipele wa kompone, o rotloeditse baithuti gore ba tswelele ka go dira ka natla ka e le bone ba tswereng bokamoso jwa kompone. O supile fa a itumelela thata tiro e ntle e ba e dirang mme a tle dira ka bojotlhe jwa gagwe go rotloetsa baithuti botlhe.

Author Information

Kealeboga Sepapi ke mongwe wa baithuti ba BICA o le ene a tsweletseng ka go dira ka botswapelo mo dithutong tsa gagwe ebile a le mo ngwageng wa gagwe wa bofelo.