[English translation is given at the end]

O KA SIMOLOLA KGWEBO YA GAGO GOMPIENO

Go le gantsi beng ba dikgwebo bogolo jang tse dipotlana, ba tsaa sebaka se se telele ba emetse madi gore ba simolole dikgwebo tsa bone. Ba dira dipaakanyo tsotlhe mme ba bo ba emela madi. Fa gongwe ba leka go kopana le ba ba ka ba fang madi mme le gone ga go kgonege.

Bangwe ba emela one madi a,mme go ba tsee lobaka fa di tlhwatlhwa tsone di ntse di oketsega. Fa di tlhwatlwa di ntse di oketsega jaana, go tsisa boitlhobogo ka bonya ka bonya. Re a tlhaloganya gore o rata jang go ka bula kgwebo ya gago ebile re tlhaloganya mathata a o kopanang le one.

Ba le bantsi ba tsenwa ke mowa wa boitlhobogo abo ba leka go dirisa madi a a ko tlase bare ba somarela nako. Fa ba simolola ka madi a ako tlase jaana, bale bantsi ga ba ele tlhoko gore kgwebo ga e sa tlhole e ka kgonega fa madi a ile ko tlase. Ka jalo, kgwebo e sokola ka madi abo e nna ka fa tlase ga kgatelelo ya go tswalwa. Beng ba di kompone tse le bone abo ba tlelwa ke go itlhoboga.

O ka dira jang go go simolola kgwebo potlana

Akanya gape ka kgwebo ya gago. Leka go e dira potlana go feta. Gakologelwa gore kgwebo e dire madi, ke gore madi a atsenang mo go yone a bo a feta a a tswang mo go yone. Ga kgwebo e na le boleng, le fa o sa dirise madi ape ko tshimologong,e kgona go go direla madi. Mo go dira gore o tsenye kakanyo yotlhe mo kgwebong, o sa tshwaragana le mathata a letlhoko la madi.

Se ga se ree gore ga go kgonege go simolola o sena le fa ele thebe. Kgang ke gore simolola ka se o nang le sone,fa ona le dikete tsa dipula dile tlhano, simolola ka tsone. Fa ele gore o kopa dithuso ko go ba dibanka,dira jalo o ntse tsweletse o dira sengwe ,o santse o emetse madi.

O ka fokotsa sekale sa kgwebo jang?

Fa o batla go simolola kgwebo ya go tshela lookwane, o ka bereka mo madirelong a teng pele, le fa ele ka boithaopo. Se se tla dira gore letsatsi lengwe le lengwe abo o ntse o ithuta sengwe ka kgwebo e.Gape fa o batla go bula kgwebo ya dijo, o ka leka go bua le mong wa kgwebo ya go nna jaana, kgotsa o ka mmatlela bareki kgotsa wa leka go botsa bareki ba gagwe gore a ba itumeletse dijo tsa gagwe mme a bo o mo rekisetsa mong wa kompone se o se ithutileng mo bareking ba gagwe.Fa o batla go rekisa dilwana tsa mo ntlong jaaka di tafole le ditilo, o ka buisana le bareki gore ba ikaelela go reka gole bontsi bokae mo dikgweding tse tharo tse di latelang, se se ka go letla gore o ipaakanyetse go ba rekisetsa se ba se tlhokang.

A go leba sekale sa kgwebo go raa go e fokotsa?

Ga go a nna jalo. Go raya fela gore simolola gompieno o sa senye sebaka. Ke one ao maikaelelo ago sekaseka kgwebo.Ka tsweetswee, leba kgwebo ya gago gape o leke go e fokotsa ka sekale jaaka o ka kgona. Ka mafoko a mangwe,fa o simolola kgwebo, go ka go solegela molemo thata gore o tsee tshwetso ya go simolola gompieno jaana.

A go sekaseka gape go raya go simolola gole go botlana gompieno?

Go dira jaana go ka go solegela molemo mme ga se gone fela mo go tlhokegang. Se sengwe ke go oketsa ditoro tsa gago,o seka wa lora gole go botlana,mme o oketse ditoro tsa gago.Mongwe le mongwe o tshwanetse go nna le ditoro tse ditona.

Jaanong go ka dirwa jang?

Go motlhofo, nna le ditoro tse ditona,simolola gole go botlana mme o simolole gompieno jaana.Fa o ka sala morago dilo tse tharo tse, go ka go tswela mosola.O tla nna o itumetse mo mogopolong mme ebile o kgona go dira madi.

 


You can start a small business now and without a lot money

Often entrepreneurs wait for money to implement their business idea.  The wait takes long and in the mean time costs to up.  The more the cost, the most you need and the more is your frustration too.  Of course, accepting less money and starting is a disaster.

Simply rewind your business idea.  Make your business even smaller.  If you want to start a filling station, you can work for a filling station, well, even for free.  If you want to start a restaurant, you can always talk to the owner of similar restaurant and find customers for him or buy meat and vegetables for him on commission or you can ask his customers about how they enjoyed their food and give him daily reports for a small fee.  If you want to manufacture furniture, you can make an advertisement to sell furniture provided prospective customers book 3 months in advance for an agreed price.

The trick is to start now, now and now without any delay and the small size of a scaled down business does not really matter.  Important lessons are (1) Think big (2) Start small and (3) Do now.